Lokwalo lo lwa ditlhamo tsa Setswana lo itebagantse le botshelo jwa Batswana mo metseng ya ditoropong. Go diragetse eng ka rona Batswana mo botshelong jo bosa jo re bo tshelang kgakala le magae, kgakala le dingwao, kgakala le mekgwa ya batsadi ba rona ba maloba? Mo lokwalong lono bakwadi ba re thlhalosetsa le go re sedimosetsa ka mekgwa eo bontsi jwa rona bo tlhakathakantsweng ke dingwao tsa sekgoa le ke mekgwa e e farologanyeng ya boitshwaro le tsamaiso ya matshelo. Bangwe ba latlhile ngwao. Bangwe ba e kgoafaditse. Bangwe bone ba lemoga mathata a re lebaganyeng nao, mme ba senka ditsela tsa go a ranolola.
This is Book 3 in the Setswana: Literature Series. See all Setswana: Literature books here.
No one has written a review for 'Mantswe a Robong'
Why not be the first to share your opinion?